Stories

Mpho ya ga Sisanda

Letsatsi le letsatsi fa Sisanda wa dingwaga tse robedi a fitlha kwa gae go tswa sekolong, o fetola diaparo tsa gagwe tsa sekolo a apara tsa mo gae, o ja dijotshegare tsa gagwe le go tshameka motshameko wa morabaraba le ntatemogolo wa gagwe. Ba itumelela thata go fofisa “dikgomo” tsa bone mo botong moo a sa batleng go emisa. Mme o mo gopotsa gore o batla go nna motsamaisi wa banka letsatsi lengwe fa a gola.

“O tla dira seo jang fa o sa ye kwa sekolong se segolo?” ga botsa ntatemogolo wa gagwe a dira motlae.

Sisanda o itshegela fela. “Ke tlaa ya kwa sekolong se segolo le kwa yunibesithing. Ke sone se ke dirang ka natla kwa sekolong!”

Sisanda's gift_01

Sisanda o moleele thata go fetisa bana ba dingwaga tsa gagwe – o gotsitse rragwe. Sefatlhego sa gagwe se se kgolokwe le monyenyo o montle ke tsa ga mmagwe. Batsadi ba gagwe ka bobedi ba tsoga mo mosong thata letsatsi le letsatsi go ya tirong kwa lefelong le le gaufi la bosireletso jwa diphologolo. Ka nako e Sisanda le ditsala tsa gagwe ba simololang kwa sekolong, go setse go goroga dibese tse di tletseng ka bajanala go tla go bona diphologolo tse di kgatlhisang tsa Afrika.

Ka letsatsi la gagwe la botsalo le le fetileng, Sisanda o ne a amogela mpho e kgethegileng – batsadi ba gagwe ba mo neela tetla ya go tshwarela moletlo kwa lefelong la bosireletso jwa diphologolo. Dithutlwa tse di kwa lefelong la bosireletso jwa diphologolo di ne di šwegašwega go bona setlhopha se sa batho. Di ne tsa otlolola dithamo tsa tsone tse di telele go nna le pono e e gaisang ya moletlo e bile di ne di bonala e kete di batla lenathwana la kuku ya gagwe ya letsatsi la matsalo! Sisanda o ne a rata dithutlwa. Diphologo tsotlhe di ne di kgethegile mo go ene, mme fela e ne e le dithutlwa tse di itidimaletseng tse di bonolo tse a neng a di rata thata. O ne a ka tlhola letsatsi lotlhe a di lebeletse.

Sisanda's gift_02

Ka Labotlhano mongwe, rragwe Sisanda o ne a tla gae e sale gale go tswa tirong. O ne a lebega a hutsafetse thata.

“Molato ke eng, Rra?” go ne ga botsa Sisanda.

“Gompieno motshitshi wa dinotshe o lomile mme thutlwa,” go ne ga tlhalosa rragwe Sisanda. “Tlhogo ya gagwe e ne e rurugile thata ka ntlha ya mabolela a otlhe moo matlho a gagwe a mantle a neng a tswalegile. Re lekile ka gotlhe go mo thusa, mme fela go ne go sa thuse sepe – o ne a tlhokafala. Se se botlhoko thata go di gaisa ke gore o ne a na le namane e nnye e e sa ntseng e mo tlhoka.”

“Ao nnyaa tlhe!” ga rialo Sisanda a simolola go lela. “Ke eletsa e kare go ka bo go na le sengwe se nka se dirang. Ngwana thutlwa o tshwanetse a bo a lela fela jaaka nna.”

Sisanda's gift_03

Sisanda o ne a lela a bo a lela. Mmagwe o ne a leka go mo gomotsa. O ne a ba a mmuisetsa leinane le lengwe gape ka nako ya go robala go mo thusa go lebala gore o ne a utlwela ngwana thutlwa botlhoko thata go le kana kang. Kwa bokhutlong, Sisanda o ne a thulametswia ke go utlwa lentswe la ga mmagwe.

 

Mo mosong o o latelang Sisanda o ne a tsoga a na le kakanyo!

 

“A nka tla le wena kwa tirong gompieno?” o ne a botsa rragwe. “Ke na le mpho e ke e tshwaretseng ngwana thutlwa.”

Batsadi ba gagwe ba ne ba lebana, ba nyenya mme ba re, “Ee, go siame o ka tla le rona.”

E ne e le letsatsi le le bothito mme go na le maru mo loaping. Sengwe le sengwe mo lefelong la bosireletso jwa diphologolo se ne se lebega se sisibetse ka tsela e e sa tlwaelegang.

“Ke nagana gore letsatsi ga le phatsime gompieno gonne le hutsafaditswe ke ngwana thutlwa,” ga rialo Sisanda.

Tlou e kgolo e ne ya leba balelapa fa ba feta ka tsela. “Ka gongwe o ipotsa gore ke goreng mosetsana yo monnye a ya tirong le batsadi ba gagwe,” ga rialo mmagwe Sisanda.

Sisanda o ne a dumela ka tlhogo. “O tlile go makala fa a lemoga lebaka,” o ne a akanya jalo.

Ba ne ba fitlhela ngwana thutlwa a eme a le nosi. Thamo ya gagwe e telele e bile e le tshesane e ne ya obega mme matlho a gagwe a magolo a masetlha a ne a lebega a le bodutu. Sisanda o ne a emela gaufi le ene ka moo a ka kgonang ka teng. O ne a bula kgetsana ya gagwe e nnye mme a ntsha buka. Mme, se se neng sa makatsa batsadi ba gagwe, o ne a simolola go buisetsa ngwana thutlwa. O ne a retolola tlhogo ya gagwe kwa ntlheng ya lentswe la gagwe mme a reetsa jaaka e kete o tlhaloganya lefoko lengwe le lengwe. La ntlha, batsadi ba ga Sisanda ba ne ba nagana gore go buisetsa thutlwa ke selo se se sa tlwaelegang, mme ba ne ba fetola megopolo ya bone fa ba bona ka moo a neng a bontsha a se na letsapa ka gone – matlho a gagwe a a bonolo a lebeletse Sisanda.

Sisanda_39_s_gift_4

“Leinane la me le dirile gore a ikutlwe botoka”, Sisanda o ne a bolelela ntatemogolo wa gagwe fa a fitlha kwa gae.

Sisanda o ne a etela thutlwanyana gantsi mo motshegareng le ka malatsi a mafelo a beke. Mme nako le nako fa a ya kwa teng, o ne a tsaya leinane le lengwe go le aroganya le ene. Ditsala tse pedi tse dintšhwa di ne di bonala di itumetse fa di le mmogo moo bajanala ba ba fetang ka tsela ba neng ba ba tsaya dinepe.

Ka iketlo ngwana thutlwa o ne a tia. Batho ba kwa lefelong la bosireletso jwa diphologolo ba ne ba mo tlhokomela sentle mme lerato lotlhe le a neng a le bona go tswa mo tsaleng ya gagwe e ntšhwa, e bong Sisanda, le ne le dira dikgakgamatso.

Ka letsatsi le lengwe motsamaisi wa lefelo la bosireletso jwa diphologolo o ne a kopa Sisanda go neela tsala ya gagwe e ntšhwa leina.

“Ke nagana gore Thokozani ke leina le le siameng,” ga rialo Sisanda.

Letsatsi le le latelang motsamaisi wa lefelo la bosireletso jwa diphologolo o ne a leletsa morutabana wa ga Sisanda mogala. O ne a laletsa barutwana botlhe ba mophato wa ga Sisanda go tla le go kopana le Thokozani. Thutlwa e ntle e ne e godile e le telelenyana mme e tiile thata mo dikgweding tse tharo fa e sale go tloga ka leeto la ntlha la ga Sisanda.

Ka letsatsi la leeto, bana ba le someamane ba Kereite 3 ba ne ba letile ka tlhoafalo gore diheke tsa lefelo la bosireletso jwa diphologolo di bulwe. Morago Sisanda o ne a ba etelela botlhe kwa pele ka boipelo go ba isa kwa go Thokozani. Bana ba bangwe ba ne ba leba thutlwa e telele ka kgakgamalo. Ba bangwe ba ne ba tshegatshega ka letshogo. Morutabana wa bone, Mme Khanyile, o ne a nyenya fela.

Sisanda's gift_05

“Tsala ya gago e ntle, Sisanda. O ntse o le bonojana mo go ene,” o ne a bua ka bonolo.

“Leina la gagwe ke mang?” go ne ga botsa mongwe wa basimane.

“Thokozani,” ga araba Sisanda.

“Thokozani e raya ‘boitumelo’,” ga tlhalosa Mme Khanyile.

Bana ba ne ba dula mo fatshe le go reetsa fa Sisanda a buisa leinane le a neng a le buisetsa Thokozani ka letsatsi le ba kopaneng la ntlha ka lone. Motsamaisi wa lefelo la bosireletso jwa diphologolo o ne a tsaya dinepe. Bajanala bangwe ba ba neng ba feta ka tsela le bone ba ne ba tsaya dinepe. Le motsayadinepe go tswa kwa lekwalodikgannyeng la selegae o ne a tsaya dinepe. O ne a solofetsa gore senepe sa bone se tlaa tlhagelela mo lekwalodikgannyeng mo nakong e e sa fediseng pelo. Mongwe le mongwe o ne a duduetsa.

A mpho e ntle! Go buisa go fodisa tsala.